LENANE LA TLHABOLOLO YA KGWEBOPOTLANA E E MAGARENG
LENANE LA TLHABOLOLO YA KGWEBOPOTLANA E E MAGARENG KE ENG?
Lenane la Tlhabololo ya Kgwebopotlana e e Magareng (SMEDP) ke sekema sa thuso ya madi a thotloetso, se se thusang bojanala mo Aforika Borwa.
Thuso e neelwa diporojeke tse dintšhwa kgotsa tse di atoloswang.
DITLHOKEGO
Ditlamo tsa mo gae le tsa kwa ntle di tla thuswa ka peeletso ya bokana ka dimilione tsa diranta di le lekgolo (R100m) mo go tsa lefatshe le dikago tse di tshwanetseng, mo diporojekeng tse dintšhwa kgotsa katoloso ya diporojeke tse di leng teng.
Ditheo tsa semolao, ba e leng beng ba thoto le ditirisanommogo mo go tsa bojanala.
MAIKAELELO
Go dira khumo, go tlhoma ditiro
Go tlhabolola dikgwebisano, go rotloetsa maatlafatso
Go rotloetsa baamogedi ba diporojeke go di kgonagatsa
Go fokotsa ditshenyegelo tsa peeletso tsa babeeletsi ba dikgwebopotlana le tse di magareng
Maphata
: BOJANALA
DIPOROJEKE
Dikgwebo tse di mo Aforika Borwa
Diporojeke tse dintšhwa le katoloso ya tse di leng teng
Dikgwebo tse di nang le bogolo jo bo katologang jwa 25% ya bonno le/kgotsa dithoto tse di tshwanetseng, dipalangwa, di tshwanetse go tlhagisiwa
Ba ba neelanang ka bonno jwa nakwana, sk, dihotele, mafelo a go robala le go fitlhola, mafelothobalo, dillotšhe le dišalei
Badiri ba bojanala ba ba thusang bajanala fela
Dikgwebo tsa ralawe kgotsa diralawe tsa poraefete, ditsela tsa dikheibole tsa lefaufau, dipalangwa tsa go isa metsi kwa matamong, matsha le tse dingwe.
MESOLA
Kabelo e e sa duelelweng lekgetho mo dingwageng tse pedi e lebisitswe mo peeletsong ya dikago, fenitšhara, didiriswa tsa bojanala le dipalangwa
Kabelo e nngwe ya khetšhe mo ngwageng wa boraro go dikgwebo fela fa e le gore kabo ya tuelo ya badiri e e tlhagisitsweng go ya ka tshenyegelo ya tiro e nne 30% bonnye.
PALELO
Kemo ya Peeletso Koketsego ya thuso e e amogetsweng
Jaaka % ya Peeletso
Go feta R5 - R15 milione 6% ka ngwaga
Go feta R15 - R30 milione 4% ka ngwaga
Go feta R30 - R50 milione 3% ka ngwaga
Go feta R50 - R75 milione 2% ka ngwaga
Go feta R75 - R100 milione 1% ka ngwaga
Kopotiro
Bona letlhatshana la tshedimosetso le foromo ya kopo
Tlatsa foromo ya kopo
Go bona tshedimosetso e e feletseng ikgolaganye le:
Lefapha la Kgwebo le Intaseteri:
Tikwatikwe ya Kgolagano le Badirelwa: 0861 843 384
Kgetsana ya Poso X86
LENANE LA TLHABOLOLO YA KGWEBOPOTLANA E E MAGARENG
LENANE LA TLHABOLOLO YA KGWEBOPOTLANA E E MAGARENG KE ENG?
Lenane la Tlhabololo ya Kgwebopotlana e e Magareng (SMEDP) ke sekema sa thuso ya madi a thotloetso go tlhagisa temothuo ya maemo a a kwa godimo, tsa botshelo jwa metsi, tsamaisotemothuo, bayothekenoloji, bojanala, tshedimosetso le dipeeletso tsa thekenoloji ya tlhaeletsano mo Aforika Borwa. Go na le thotloetso mo diporojekeng tse dintšhwa le tse di katolosiwang.
Ditlhokego
Ditlamo tsa mo gae le tsa kwa ntle di tla thuswa ka peeletso ya bokana ka dimilione di le lekgolo tsa diranta (R100m) mo go tsa lefatshe le dikago tse di tshwanetseng, metšhini le dipalangwa tsa kgwebo le didiriswa mo diporojekeng tse dintšhwa kgotsa katoloso ya diporojeke tse di leng teng.
Ditheo tsa semolao, ba e leng beng ba thotot le ditirsanommogo mo go tlhagiseng, temothuo ya maemo a a kwa godimo, tsa botshelo jwa metsi, tsamaisotemothuo, bayothekenoloji, bojanala, tshedimosetso le dipeeletso tsa thekenoloji ya tlhaeletsano.
Maikaelelo
Go dira khumo, go tlhoma ditiro
Go tlhabolola dikgwebisano, go rotloetsa maatlafatso
Go dirisa dikuno tsa mo gae
Go rotloetsa baamogedi ba diporojeke go di kgonagatsa
Fokotsa ditshenyegelo tsa peeletso tsa babeeletsi ba dikgwebo tse di potlana le tsa magareng
Go rotloetsa peeletso ya kwa ntle.
Maphata
: TLHAGISO
DIPOROJEKE
Dikgwebo tse di mo Aforika Borwa
Diporojeke tse dintšhwa le katoloso ya tse di leng teng
Dikgwebo tse di bontshang bonnye koketsego ya peeletso ya 35% mo metšhining le didiriswa ka tshenyegelo e e tlhagisitsweng mo tshimologong ya ngwaga
Dikgwebo tse di tlhophiwang ka go tlhagisa ka SIC.
MESOLA
Thuso ya madi e e sa duelelweng lekgetho mo dingwageng tse pedi e lebisitswe mo peeletsong ya lefatshe le dikago, metšhini, didiriswa le dipalangwa tsa kgwebo.
Thuso e nngwe ya madi ya ngwaga wa boraro go dikgwebo fela fa e le gore kabo ya tuelo ya badiri e e tlhagisitsweng go ya ka tshenyegelo ya tlhagiso e nne bonnye 30%.
Bogolo jwa thotloetso ya R3 050 000 ka ngwaga mo dikgwebong tse di nang le dipeeletso mo dikgwebong tse di tshwanetseng.
PALELO
Kemo ya Peeletso Koketsego ya thuso e e amogetsweng
Jaaka % ya Peeletso
Go feta - R15 milione 6% ka ngwaga
Go feta R15 - R30 milione 4% ka ngwaga
Go feta R30 - R50 milione 3% ka ngwaga
Go feta R50 - R75 milione 2% ka ngwaga
Go feta R75 - R100 milione 1% ka ngwaga
Kopotiro
Bona letlhatshana la tshedimosetso le foromo ya kopo
Tlatsa foromo ya kopo
Go bona tshedimosetso e e feletseng ikgolaganye le:
Lefapha la Kgwebo le Intaseteri:
Tikwatikwe ya Kgolagano le Badirelwa: 0861 843 384
Kgetsana ya Poso X86
